Iponele ID e e nang le Baakhoutu gore o tle o kgone go bouta
LETSHOLO LE LE MABAPI LE LEKWALOITSHUPO
MOLAOTLHOMO ONA O RENG?
Molaotlhomo wa ditlhopho, wa 1998 o o eng wa tlhagisa letlhomeso la peomolao mabapi le ditlhopho tsa 1998 o fetisitswe ke Palamente. O ne wa emiwa nokeng ke ANC, Inkhata Freedom Party, PAC, ACDP mmogo le Freedom Front. Mo dikganetsanong tsotlhe tse di neng di ama molaotlhomo, makoko a, a ne a gatelela botlhokwa jwa ditlhopho tse di leng ka fa molaong mmogo le dipholo tse di senang dingongorego. Le fa go ntse jalo, makoko otlhe a ne a gatelela botlhokwa jwa go netefatsa fa batlhophi botlhe ba ba letleletsweng ba na le diID tse di nang le baakhoutu.
DINTLHA
Molaotlhomo o akaretsa dintlha tse di leng botlhokwa tse di jaaka motlha o ditlhopho di tshwanetseng go tshwariwa ka ona, batho ba ba letleletsweng go tlhopha, batho ba ba ka tsenelang ditlhopho mmogo le ditlhokego le ditlhopho tse di kgethegileng tse di mabapi le batho ba ba rileng.
Dingwe tsa dikaelo tsa Molaotlhomo ke tse di latelang.
Moporesidente o tla goeletsa ditlhopho pele motlha wa puso o tla kwa bokhutlong.
MaAforika Borwa otlhe a a nang le dingwaga di le 18 le go feta ba ba leng ka fa nageng ba tlile go letlelelwa go tlhopha. Se, ga se akaretse batho ba ba nang le tlhaloganyo e e koafetseng, batho ba ba lwalang mo tlhaloganyong kgotsa batho ba ba tlhatlhetsweng ka fa tlase ga Molao wa Boitekanelo jwa Tlhaloganyo. Batho ba ba bonweng molato ka ditshenyo tse di tseneletseng ga ba ye go letlelelwa go tlhopha.
Kaelo e e mabapi le ditlhopho tse di kgethegileng e teng. Ditlhopho tse, tse di kgethegileng di lebisitswe kwa bathong ba ba kailweng ba ba sa kgoneng go tlhopha. Badiri ba badipolomate ba ba dirang kwa dinageng tse di kwa ntle ba tlile go letlelelwa go tlhopha mmogo le ba malapa a bona ka motlha wa ditlhopho. Karolo e nngwe ya ditlhopho tse di kgethegileng ke badiri ba ba thusang go tsamaisa ditlhopho ba ba akaretsang le basiretsi ba naga, e leng maphodisa le masole. Kaelo e e kgethegileng e e mabapi le go tlhopha e ama batho ba ba golofetseng, batho ba ba sa kgoneng go itsamaisa, batsofe mmogo le baimana ba ba ka se kgoneng go ya kwa mafelong a go tlhopha ka ntlha ya bogole.
TIREGO
Molaotlhomo o kaela kwadiso ya batlhophi mmogo le thulaganyo ya lenane la batlhophi. Kwadiso ya batlhophi ba ba letleletsweng e tlile go tswelela. Fa motho a setse a ikwadiseditse go tlhopha, dintlha tsa gagwe di tlile go tlhotlhomisiwa mo rejisetareng ya baagi ya bogareng e e tshotsweng ke Lefapha la Merero ya Selegae. Fa dintlha tsa gagwe di sena go tlhotlhomisiwa sentle, leina la gagwe le tlile go tsenngwa mo lenaneng la batlhophi. Batho ba maina a bona a tlhagelelang mo lenaneng la batlhophi ba tlile go tlhopha ka letsatsi la ditlhopho le le tlileng go tlhomamisiwa ke Moporesidente.
DITLHOKEGO
Gore batho batle ba kgone go tlhopha, ba tshwanetse go nna le ID e e nang le baakhoutu. Ke yona fela tokomane e e amogelesegang jaaka go tlhagisiwa mo Molaotlhomong wa Ditlhopho wa 1998.
Batho ba ba senang ID e e nang le baakhoutu, ba tshwanetse go dira kopo ya ID e e nang le baakhoutu e bile gape ba tshwanetse go dira kopo ya setifikeiti sa boitshupo sa nakwana ka nako e le nngwe.
Setifikeiti sa boitshupo sa nakwana se amogelesega fela dikgwedi di le 12 mme se ka dirisediwa go ikwadisetsa go tlhopha fa Lefapha la Merero ya Selegae le santse le rulaganya go rebolwa ga ID.
Setifikeiti sa boitshupo sa nakwana se tlhagisa dintlha tsa mokopi: nomoro ya ID le setshwantsho sa mokopi.
Setifiketi sa boitshupo sa nakwana se tla rebolwa mo diureng di le 24 kwa ntle le kwa mafelong a go senang dikhomphutara. Mo dintlheng tse di jaana, se tlile go rebolwa morago ga go boela ga diyuniti tsa thuso (mobile units) kwa mafelong a kopo e dirilweng kwa go ona.
Kwa diporofenseng tse dingwe Diforamo tsa Merero ya Selegae di tlhomilwe go thusa Lefapha mabapi le tiro ya lona. Diforamo tse, di tshwanetse go neelwa thuso.
Go tlile go tlhomiwa ditlhopha tsa batho tse di tla tlhokomelang ditlhopho / go tlile gape go tlhomiwa ditlhopha tsa baithaopi / go be gape go tlhamiwa le ditlhopha tsa tiro go thusa mo letsholong le le mabapi le go iponela lekwaloitshupo. Maloko a Palamente (MPs) a kopiwa go netefatsa fa tiro ya boithaopo e nna teng kwa Lefapheng la Merero ya Selegae. Mo ntlheng e, baithaopi botlhe ba tshwanetse go kwadisiwa le Lefapha la Merero ya Selegae gape ba tshwanetse go tshepiwa ke lona. Ba tlile go katisiwa ke Lefapha la Merero ya Selegae gape ba tlile go dira ditiro tsa bona kwa ntle le go tsaya letlhakore, kwa ntle le go sekamela ka fa mokgatlhong mongwe wa sepolotiki gape kwa ntle le tuelo epe. Ba tlile go kopiwa go thusa mabapi le go tladiwa ga diforomo, go gatisa bakopi menwana mmogo le go netefatsa fa ditlhokego tsotlhe di fitlhelelwa, sekao: go rebolwa ga disetifikeiti tsa matsalo, jj.
Maloko a Palamente (MPs) a kopiwa go ikgolaganya le moemedi wa lefapha wa kwa lefelong la bona mme mmogo ba dire thulaganyo e e ka ga go thusa gape le go nna le seabe ka go ithaopa mo mananeong a dipuisano a mo seyalemoweng kwa lefelong la bona mabapi le go rebola tshedimosetso ka ga letsholo le le malebana le ID.
DINTLHA TSE DI LENG BOTLHOKWA TSE DI TSHWANETSENG GO GAKOLOGELWA
Thulaganyo ya diID e tsaya sebaka sa dibeke di le robedi.
Fa setifikeiti sa botsalo se se teng, tsweetswee ikgolaganye le motlhankedi wa kgaolo go tlhotlhomisa mokgwa wa tlhomamiso o o ka dirisiwang. Le fa go ntse jalo, Lefapha le gagametse thata mabapi le thebolo ya tokomane ya tlhomamiso e e netefatsang ka maikaelelo a go thibela tsietso.
Fa kopo e diriwa mabapi le ID le setifikeiti sa boitshupo sa nakwana, ditshwantsho tse tharo di tshwanetse go neelwa.
Tse pedi malebana le ID
Se le sengwe malebana le TIC
Tona ya Lefapha la Merero ya Selegae e tlile go itsise setšhaba foromo ya nakwana ya kwadiso e e mabapi le go ikwadisetsa ditlhopho fela ga e ise e nne teng.
Lefapha la Merero ya Selegae ga le na dikhemera mo diyuniting tsa thuso (mobile units) tse di tsayang ditshwantsho kwa ntle le tuelo epe.
Dipotso di ka lebisiwa kwa go:Bokaedi Tlhaeletsano Tlhogo ya Tlhaeletsano mo nomorong e e latelang ya mogala: 3148014/5 kgotsa fekesa dipotso tsa gago mo nomorong e e latelang: 316 7032.
Dingongorego tse di mabapi le ditirelo tsa Lefapha la Merero ya Selegae di tshwanetse go kwadisiwa ka tiriso ya nomoro ya rona ya mogala e e sa duelelweng e e latelang: 0800-601190.
BAKOPI BA BA SIMOLOLANG BA MATSALO A BONA A ISENG A KWADISIWE
Mokopi yo botsalo jwa gagwe bo iseng bo kwadisiwe o tshwanetse go-
Gorosa ditshwantsho di le pedi tse di tshwanang
Tlatsa foromo ya Bl 24 e le kopo e e mabapi le kwadiso ya botsalo e e leng thari
Gorosa sesupo sa botsalo se se mo sebopegong sa setifikeiti se se tswang kwa tleliniking kgotsa kwa bookelong jo a belegetsweng kwa go bona, kgotsa setifikeiti se se tswang kwa sekolong se se tlhomamisang letlha la ntlha le a simolotseng kwa go sona ditetlelelo tsa ntlo tse di tlhagisang leina la mokopi disetifikeiti tse di tswang kwa go bathapi ba gagwe ba bogologolo (fa e le gore ba teng)
tokomane nngwe fela go supa botsalo jwa SA kgotsa boagi
Ka letsatsi la go tlhopha go tlilwe go amogelwa fela ID e e nang le baakhoutu. Le fa go ntse jalo, batho ba ba tla latlhegelwang ke diID tsa bona pele ga ditlhopho, ba tla rebolelwa setifikeiti sa boitshupo sa nakwana mo sebakeng sa diura di le 24.
DITHULAGANYO TSA MAFAPHA
Kwa ntle le phatlalatso e e dirilweng mabapi le letsholo la go iponela ID, dithulaganyo di setse di dirilwe kwa diporofenseng tsotlhe go netefatsa fa batlhophi ba ba letleletsweng ba dira kopo ya go iponela lekwaloitshupo le le nang le baakhoutu. Diura tsa tiro di setse di atolositswe go ya ka ditlhokwa tsa porofense nngwe le nngwe. Lefapha le ka bula go simolola ka 07h00-18h00 mo malatsing a beke le go simolola ka 08h00-12h00 ka Lamatlhatso mongwe le mongwe. Tshwetso tota e mo magetleng a baagi.
Badiri ba tlaleletso ba setse ba thapilwe go kgona go kgotlelela koketsego e e mabapi le topo ya go iponela makwaloitshupo. Kwa mafelong a go senang dikantoro tsa Lefapha la Merero ya Selegae kwa go ona, diyuniti tsa thuso tsa tlaleletso di setse di rometswe.
Diyuniti tsa thuso di ka bonwa kwa diporofenseng tse di latelang:
Kapa Botlhaba
Kapa Bophirima
Kapa Bokone
Bokone Bophirima
Mpumalanga
Mabapi le tshedimosetso ya tlaleletso, dikopo tsa direlo kgotsa ditirelo tsa boithaopo, bakaedi ba dikgaolo ba lefapha ba ka boniwa.
Dintlha tsa bakaedi ba dikgaolo ke tse di a latela:
Bokone Bophirima (Wa namaotshwere) Rre M Madimakwane (018-384 5443)
TIRO E E KWA PELE
Batho ba le bantsi ba dirile kopo ya go iponela diID fela ga ba ise batle go di tsaya kwa dikantorong tsa Lefapha la Merero ya Selegae. DiID tse, di tshwanetse go tla go tsewa ka bonako. Maloko a Palamente (MPs) a kopiwa go thusa go bebofatsa tiro e.
Batho ba ba iseng ba dire kopo ya go iponela diID tse di nang le baakhoutu ba tshwanetse go dira jalo ka bonako. Motho yo o leng ka fa tlase ga dingwaga di le 16 o tshwanetse go tla a patilwe ke mongwe yo o letleletsweng semolao yo o mo fetang ka dingwaga di le 10 yo o tla tshwanelang ke go dira kopo mo boemong jwa mokopi mabapi le kwadiso ya botsalo e e thari. Motho yo o tla mo go tlaleletseng ditokomane tsa tshegetso, kopiwa go tlatsa afidafiti (foromo ya B1 288) go tlhomamisa dintlha tsa botsalo.
Motho yo o leng kwa godimo ga dingwaga di le 21 a ka dira kopo ka boena mabapi le kwadiso ya botsalo e e thari. Fa e le gore ditokomane tsa tshegetso ga di teng mokopi o tlile go bodiwa dipotso ke motlhankedi wa Lefapha ka maikaelelo a go tlhomamisa boagi le letlha la botsalo la mokopi yo o amegang go netefatsa fa go sena sepe sa tsietso.
